PABALELO LE
BOTLAMEDI KA FA TLASE GA
MOLAO WA TSEO YA SETSO
Mogala : 012 661 - 7473
MOLAO WA TSEO YA SETSO WA TLHAGO
LE WA KAKARETSO
Pele ga phetolo ya Molao wa Molaotheo (tekano mo maemong a makoko kwa lenyalong ) le Temogo ya Molao wa Manyalo a Tseo ya Setso ( tekano mo maemong a manyalo le makoko a kwa lenyalong )
Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, nomoro 38 wa 1927, karolo 11 (b) : Mosadi mongwe le mongwe yo o nyetsweng ka molao wa tseo ya setso (ntle le mo mosading wa kwa KZN ) ke mmotlana wa go ya go ile.
Bokao jwa molao wa tseo ya setso
Maemo a mosadi a lekana le a mmotlana
Mosadi ga a na tshwanelo ya botlamedi mo ngwaneng wa gagwe gonne le ena ka boena o ka fa tlase ga botlamedi jwa monna wa gagwe
Ga a ka ke a tsena mo dikonterakeng tsa semolao ntle le thuso ya monna wa gagwe kana rraagwe
Ga se kgang ya ditshwanelo mme ke fela sedirisiwa
Botlamedi bo amilwe jang ke maemo a a setso?
Ka fa tlase ga Molao wa Tseo ya Setso botlamedi ke tshwanelo ya tlhotlheletso e e neilweng monna le lelapa la la gagwe ke lenyalo.
Seno se kaya gore fa monna a ntsheditse mosadi wa gagwe magadi/bogadi, ena le lelapa la gagwe ba bona ditshwanelo tse di tletseng tsa botsadi mo baneng ba ba belegweng ka nako ya lenyalo
Botlamedi bo a tswelela
Botlamedi mo baneng ba lenyalo bo roletswe mo monneng wa ga mme le lelapa la gagwe
Botlamedi mo baneng ba mosadi yo o sa nyalwang bo roletswe mo rremogolong wa bomme le lelapa la gagwe
Mo lenyalong la mosadi yo o sa nyalwang botlamedi mo mosading yo o sa nyalwang le bana bo fetisediwa kwa monneng le setlhopha sa lelapa la gagwe
Botlamedi go ya ka molao wa tseo ya setso ka jalo bo sekamela ka fa monneng fela (ke jwa borremogolo ) mme bana ke ba setlhopha sa lelapa la rre
Botlamedi bo diragadiwa ke monna mo boemong jwa setlhopha sa gagwe sa lelapa
Karologanyetso ya bana
Go seng ka fa molaong le maemong a bongwana jwa dikgora tsa bana ga go itsiwe ka fa tlase ga Molao wa Tseo ya Setso, gonne ngwana a ka nna ka gale le legae, e ka nna kwa setlhopheng sa gagwe sa bomme go lebeletswe leele le - " Ngwana wa dikgora ke wa ga mmaagwe" (pele ga lenyalo) kana kwa setlhopheng sa ga rraagwe kana setlhopha sa monna wa ga bommaagwe- go ikaegilwe ka leele le " Kgomo e tsewa le namane.
Go na le tlhokego go tlhalosa mofuta wa lenyalo le mosadi a tsenang mo go lona. Bana ba mosadi (ba ba belegweng mo teng ga lenyalo kana pele ga lenyalo)
Bana ba ba belegweng mo teng ga lenyalo :
Ke ba monna wa gagwe le lelapa la gaabo go sa kgathalesege gore borraabo ba madi e ka bo e le bomang.
Go solofelwa go tswa mo monneng wa mme go amogela bana ba ba jalo jaaka ba gagwe le go tlamela ditlamego tsotlhe tse di tlwaelegileng tsa botsadi le ditiro mo go bona.
Bana ba motlholagadi
Loso lwa monna ga lo khutlise kamano ya lenyalo.
Dikaroganyo tsa bana ba motlholagadi di ntse jaana : (i) Bana ba tsenelelo
Ka fa tlase ga ngwao ya Go tsenela lenyalo le le leng teng le tsweletswa ke motlholagadi le monna yo o dirang jaaka moemedi le motlhatlhami wa monna wa gagwe yo o tlhokafetseng.
Motlholagadi le bana ba gagwe ba ka fa tlase ga botlhokomedi le tlhokomelo ya motlhatlhami wa monna wa gagwe yo o tlhokafetseng. Motseneledi ka gale ke mongwe wa maloko a borre wa setlhopha sa monna wa gagwe yo o tlhokafetseng.
Bokao jwa tsenelelo
Setlhopha sa lelapa la monna yo o tlhokafetseng se itlama go tlhokomela motlholagadi nako yotlhe fa a ntse a tshela, le go belega bana ba le bantsi jaaka a ka kgona go ba belega le monna yo a mo abetsweng.
Bana ba ba belegweng ke motlholagadi le motseneledi ka gale ba tsewa jaaka matlhogela a monna yo o tlhokafetseng.
Le mo dingwaong foo tsenelelo e sa direng, fa motlholagadi a ka belega bana, go sa kgathalesege borrabona ba nnete kana tlhaolo, ba tsewa ka gale jaaka matlhogela a monna wa gagwe yo o tlhokafetseng mme ke maloko a setlhopha sa gagwe.
Bana ba ba belegetsweng ke motlhadiwa
Mo tlhalanong bana ka gale ba tlogelwa le setlhopha sa lelapa la bomonna
Bontsi jwa melao ya tseo ya setso ga bo letle mosadi go nyalwa gape fa a sa ntse a tshela ka fa tlase ga tlhokomelo ya setlhopha sa lelapa la gaabo monna. O tshwanetse go boela kwa setlhopheng sa lelapa la rraagwe fa a batla go nyalwa gape.
Mo lenyalong gape la gagwe, ngwana mongwe le mongwe yo o imiwang ke motlhadiwa yo monna wa gagwe wa bobedi e leng rre wa tlhago, ke ngwana wa batsadi ba, mme ka jalo ke wa setlhopha sa lelapa la monna wa bobedi. Monna wa bobedi ke motlamedi wa bana ba ba jalo.
Bana ba ba belegweng ke motlhadiwa
Mo lenyalong la gagwe la bobedi motlhadiwa a ka lalediwa ke monna wa gagwe wa bobedi go tla le bana ba gagwe mo lenyalong (k.g.r. bana ba a ba belegeng fa a ne a sa ntse a tshela ka fa tlase ga tlhokomelo ya rraagwe morago ga go boela gae go tswa lenyalong la gagwe la ntlha), ka fa tlase ga mabaka a gore monna o mo tsaya le dinamane tsa gagwe go tsena mo lenyalong.
Pabalelo le botlamedi
Bana ba ba belegweng ka nako ya lenyalo
Ditshiamelo tsa karolo 11 (b) tsa tlhaelo ya Molao wa Tsamaiso di tla laola maemo - mosadi o tla tswelela go nna mmotlana mme monna wa gagwe o tla nna motlamedi wa gagwe. Dipoelo tsa karolo e di tla nna jaaka di latela : Basadi ba bantsho ba ba sa nyalwang ba tla nna ba bagolo, basadi ba bantsho ba ba nyetsweng ka ditshwanelo tsa selegae ba tla nna ba bagolo, fela basadi botlhe ka fa tlase ga somaamabedi nngwe kana ba nyetswe ka meetlo ya setso ba tla tswelela go nna babotlana.
Bokao jwa karolo 11 (b)
Basadi ba Bantsho ba ba nyetsweng ka fa tlase ga molao wa tseo ya setso ba ganelwa maemo a bogolo a a rebotsweng ka ntlha ya lenyalo kana le fa ba nna dingwaga di le 21 go ya ka Molao wa Dingwaga tsa Bogolo
Maemo a a ba ganela boleng jwa go tsenela dikonteraka tsa semolao mo boemong jwa bona le mo boemong jwa bana ba bona
Ka jalo molao wa SeAforika wa Tseo ya Setso o palelwa ke go tlhomamisetsa basadi ba SeAforika maemo a a lekanang le tsholo ya molao jaaka o tlhomamisitswe mo Molaotheong
Bokao jwa karolo 11 (b)
Jaaka basadi ba Bantsho ga ba ka ke ba nna ditlhogo tsa malapa a bona le batlamedi ba bana ba bona gonne ba sa ntse ba tsewa jaaka babotlana.
Karolo e ka jalo e godisa kgethololo kgatlhanong le basadi e e itshetlegileng ka bong mme ka jalo, e thulana le Molaotheo.
Karolo e e tiiseditse theo ya bogologolo e e roletseng banna ka dithata tse di feletseng le taolo mo matshelong le thotong ya basadi ba bona.
Tlhokego ya phediso le tlhabololo ya molao
Go tla mo tiragatsong ya Molao wa Temogo ya Manyalo a Tseo ya Setso, 2000
Temogo ya manyalo a tseo ya setso
Maemo a a lekanang a manyalo
Maemo a a lekanang le tsholo ya makoko go ya lenyalong
Molao wa Botlamedi o o rolelang botlamedi jwa bana mo batsading ka bobedi
Bana ba bogokafadi
Monna o tsewa go nna rre wa bana ba mme ga a kitla a ba gana. Ka ntlha ya mabaka a boithwalo le botsalo ga ba ne ba lemosega le go farolontshega bonolo go tswa baneng ba lenyalo.
Monna ke motlamedi le molebeledi, o tlamega go ba amogela jaaka bana ba bangwe botlhe ba ba belegweng mo teng ga lenyalo. Ke maloko a setlhopha sa gagwe sa lelapa. (Ngwana wa dikgora). Borre ba tlhago ba bana ba ga ba na topo epe mo go bona.
Ka fa tlase ga setlhopha go tla wela tota le bana ba tsenelelo.
Molao wa tseo ya setso mo lebakeng le o dumalana le karolo 8 ya Molaotheo mme ga o kgetholole kgatlhanong le bana mo ntlheng ya tlhago ya bona le tsalo.
Bana ba ka kwa ntle ga lenyalo
Ke ba setlhopha sa lelapa la mmaabona.
Fa mme a nyalwa, ena le monna ba nna badisi ba bana ba. Monna o bona bothati jwa botsadi jwa bana ba mo lebakeng la leele le : "Kgomo e tsewa le namane". Ga go ne go nna le pharologano magareng ga bana ba le bana ba lenyalo. Ka jalo gape ga go na kgethololo magareng ga bana jaaka go thibelwa ke Molao wa Molaotheo.
Botlamedi le pabalelo morago ga tlhalano
Theo ya Dikgatlhegelo tse di Botoka tsa Ngwana e tlhagisitswe jaaka karolo ya Molao wa Tseo ya Setso
Mo tlhalanong bana ka tlwaelo ba tla sala le setlhopha sa lelapa la borre.
Fa mme a tlogela setlhopha sa lelapa la gaabo monna wa gagwe ga a tseye bana go ya le ena.(O sa ntse a le mmotlana wa mo tsweleding mme o tlhoka motlamedi wa gagwe.)
Fa a rata go gwetlha maemo a, ena le motlamedi ba tshwanelwa ke go tsaya kgato kgatlhanong le monna wa gagwe gore ga se motho yo o lekaneng le go siamela go rolelwa tiso ya bana. Seno se kaya gore kakanyo e teng ka gale ka fa letlhakoreng la monna wa gagwe le lelapa la gagwe jaaka batlamedi mo tlhalanong. Ba na le tshwanelo ya tlhago kwa botlameding jwa bana.
Botlamedi le pabalelo morago ga tlhalano
Mabaka a mangwe foo bana ba ka tlogelwang mo tlamelong ya mmaabona ke fa ba sa ntse ba anya (ba le mo lebeleng). Seno ke sekao se le sengwe foo dikgatlhegelo tsa bana di tlang kwa pele godimo ga ditshwanelo tsa tlhago tsa rre mo tisong ya bana.
Dikgotlhatshekelo tsa tseo ya setso ka jalo di neile rre tshwanelo ya tlhago kwa tisong ya bana mo tlhalanong mme go tla bo go le mo mothong ofe kana ofe go ganana le se go bontsha gore go tla bo go se mo dikgatlhegelong tse di gaisang tsa bana fa rre a ne a abetswe tiso. (maikarabelo a bopaki )
Ditlhokomediso tsa dikgatlhegelo tse di gaisang tsa bana
Bana ba bannye ba ba anyang ba tla neelwa mmaabo, go ikaegile ka tlamelo ya gore fa ba gola ba tla busediwa kwa go rraabona. Bana ka bobona ga ba na tshwanelo go diragatsa itlhophelo malebana le motsadi o ba ratang go nna le ena.
Dikgetse dingwe le gale di lebile boitekanelo jwa motsadi mongwe le mongwe go tlhokomela dikgatlhegelo tse di gaisang tsa ngwana.
Bokao jwa maemo a
Theo ya bogologolo e sa ntse e eta pele mo dikgatlhegelong tse di gaisang tsa bana
Ga go na tsholo e e lekanang ya makoko ka nako ya tlhalano
Bana ba didimadiwa ka ditshwanelo tsa bona mme ditshwetso di gapelediwe mo go bona ka se se ka bong se ba tshwanetse go gaisa.
Bokhutlo
Molao wa tseo ya setso, ka jalo, o na le ditshiamelo tse di dumalanang le Molaotheo le Temogo ya Molao wa Manyalo a Tseo ya Setso. Dingwe tsa ditshiamelo, le gale, di ganetsana le ditshiamelo tsa Molaotheo mme boseng molaotheo bo sa ntse bo le teng. Tseno ke ditshiamelo tse di tshwanetseng go gwetlhiwa ka dikgotlhatshekelo. Lebaka legolo ke gore karolo 11 (b) e fedisitswe mme, ka jalo, mokgwa ofe kana ofe wa go sa lekane mo maemong a banna le basadi ga o ka ke wa tswelela go nna teng jaaka o se na motheo.
